PHAMFOLETE YA MAFOKO A A KA DIRISIWANG KE LEPHATA LA BOPODISI JWA SETŠHABA
BOPODISI JWA LEPHATA ... Twantsho ya bosenyi
BOPODISI JWA LEPHATA KE ENG?
Bopodisi jwa Setšhaba ke mokgwa wa bopodisi o e leng gore tirelo ya seteišene sa sepodisi sa kgaolo e aroganngwa ka dikgaolo tse dinnye, tse di laolegang tse di itsegeng jaaka lephata. SAPS e tla thapa motlhankedi wa sepodisi yo o itsegeng jaaka molaodi wa lephata, mo lephateng lengwe le lengwe.
Setšhaba le balaodi ba maphata ba tla dirisana go netefatsa gore go na le tshireletsego le pabalesego mo dikarolong tsa bona.
MAIKARABELO A MOLAODI WA LEPHATA KE ENG?
Go kokoanya le go rulaganya setšhaba mo lephateng go lwantsha bosenyi
Mmogo
Go dira jaaka mogokaganyi magareng ga setšhaba sa lephata le seteišene sa sepodisi sa selegae
Go dira jaaka motlhankedi yo o thibelang bosenyi, se se akaretsang go rwala maikarabelo a dithulaganyo tsotlhe le diporojeke go kampana le bosenyi mo lephateng.
MAIKARABELO A SETŠHABA KE ENG?
Go tsenela dikopano tsa Foramo ya Lephata ya Bosenyi (FLB) go buisana le molaodi wa lephata ka ga ditogamaano tsa tiro go kampana le bosenyi mo lephateng.
Go kgakola le go nna le seabe mo maitekong a baagisani go tshola karolo e ba nnang mo go yona e babalesegile.
Go neelana ka tshedimosetso le ditshisinyo tsa go thibela bosenyi mo lephateng.
Go nna matlhagatlhaga mo tshegetsong ya lephata la sepodisi ka go ithaopa jaaka baithaopi mo lephateng.
Itse molaodi wa lephata la lona: ... 
Seteišene sa sepodisi sa lona: ... 
Lephata: ... 
Nomoro ya mogala: ... 
Sele: ... 
Nna le seabe ka go ikgolaganya le molaodi wa lephata la lona, mme o sireletse baagisani.
Go kopiwa bagwebi ba selegae, bakhanselara, mekgatlho ya selegae le baeteledipele go nna le seabe go kampana le maemo a a nang le seabe mo bosenying mo lephateng la lona.
